DINTLHA KA GA TSHOSOLOGO   MOTHEO WA KGOLOLESEGO LE DEMOKERASI E E SOSOLOGILENG

 

Kgololesego le demokerasi e e sosologileng di agilwe mo motheong o o dumelelang batho gore ba fitlhelele ditlhologelelo tsa bona ba lokologile ka tsela e ba itlhophelang go di fitlhelela ka yona- fa fela ba sa goreletse ope. Kana fa re bua ka motheo wa kgololesego le demokerasi e e sosologileng re a bo re bua ka eng?

Ditshwanelo tsa botho

Santlha, go tshwanetse go nna le boineelo jwa motheo wa ditshwanelo tsa botho. Go naya dikao fela, ka ditshwanelo tsa botho go a bo go tewa, tshwanelo ya go tlotla seriti sa botho, botshelo, kgololesego mo bokgobeng, go itlhophela tumedi, go latela tumelo e o e ratang, go bua o lokologile, kgololesego ya go itlhophela lekoko,jalo-jalo. Nngwe le nngwe ya ditshwanelo tse tsa botho e tlisa puisano e ka yona batho ba kgonang go swetsa bokao jo bo nepagetseng: tshwanelo ya kgololesego go tswa mo bokgobeng ke tshwanelo ya thatayotlhe e e ka se kgoneng go lekanyediwa ka gope. Jaanong re ka reng ka thata ya go bua o lokologile? 

Sekao se se matshwanedi sa go lekanyetsa thata e ke gore motho ga a kitla a letlelelwa go tshosa batho ba ba mo ntlolehalahaleng ka go tlhaba mokgosi wa gore ba tshabe molelo go ntse go se na molelo. Tiragalo e e ka tlisa letshogo mme batho ba le bantsi ba feleletsa ba tswile dikotsi ka go leka go tswa mo ntlolehalahaleng. 

Le fa go ntse jalo batho ba ba sosologileng ga ba rate go lekanyetsa kgotsa laolela batho gore ba bue eng le gona jang, ka gonne mebuso e rata go dira jalo maikaelelo e le go gatelela batho le go ba thibela go ntsha megopolo e e farologaneng le ya puso.

Go Lekalekana Ga Bothle 

Sa botlhokwa thata mo motheong wa ditshwanelo tsa botho ke tshwanelo ya go lekalekana ga batho botlhe. Jaaka ditshwanelo dingwe tsa motheo, go na le dingangisano ka ga bokao jwa tekatekano. Batho botlhe ba ba sosologileng ba utlwana ka la gore go lekana go raya gore ga go kitla go nna tlhophololo ya lotso (Mosweu / Montsho) kgotsa bong (Monna / Mosadi) kgotsa tumelo ( Sekeresete /Semoseleme). 

Go sentse go na le mafelo mo eleng gore se mosadi a se buang kwa kgotlatshekelo ke halofo fela ge go bapetswa le seo monna aka se buang. Maemo a a supa go se tshwarwe ka go lekana. A mme go lekana ga batho go kaya gore ba amogele madi a a lekanang ba bo ba nne mo matlong a a lekanang? 

Batho ba ba sosologileng ba ka re ‘nnyaa’ fela ba ka batla gore batho botlhe ba fiwe ditshono tse di tshwanang go tokafatsa matshelo a bona- ka jalo maemo a thuto tshwanetse go tokafaletswa Maaferika borwa otlhe. Ba ba sosologileng ba dumela gore botlhe ba lekane mo molaong le gore ditshono di lekalekane mo bathong botlhe.

Taolwana Ya Molao 

Boineelo jo mo motheong wa ditshwanelo tsa botho bo tsamaelana le boinelo jwa ba ba sosologileng  ka ga taolwana ya molao. Taolwana ya molao e diretswe go sireletsa baagi kgatlhanong le go patikiwa ke mmuso. Sekao se se maleba ke sa gore mo kgotlatshekelo, moatlhodi ga a tshwanela go tsaya letlhakore, e bile moatlhodi le motshotshisi ga e kitla e nna motho a le mongwe.( se se raya gore, ga go kgonagale gore motho a le mongwe e nne motshameki e bo e nne moletsaphala ka nako e le nngwe). 

Mongwe le mongwe, go akarediwa le mmuso ba tshwanetse go lekana fa pele ga molao- go sa kgathalesege gore motho ke mang. Mongwe le mongwe yo o latofadiwang ka molato wa bosenyi o tshwanetse go tlhalosetswa sentle gore o latofadiwa ka eng gore a tle a kgone go iphemela. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsewa a se molato go fitlhela kgotlatshekelo e netefatsa molato wa gagwe. 

Baatlhodi e tshwanetse e nne batho ba ba ikemetseng, ga ba tshwanela go laolwa ke mmuso kgotsa ke motho ope, e bile ga ba tshwanelwa go tshosediwa. Ditshwetso tsa kgotlatshekelo di tshwanetse go tlhomama, se se raya gore, dikgetse tse di tshwanang di tshwanetse go atlholwa ka go tshwana. Ka bokhutshwane mmuso o tshwanetse go tshwara batho botlhe ka go tshwana.

Se se tsamaelana le tumelo ya ba ba sosologileng ya gore mmuso le setshaba ba tshwanetse go tsamaisa dilo ka molao le gore e mengwe ya metheo e ka se kgone go fetolwa le fa mmuso o eletsa go dira jalo ( sekao: tshwanelo ya seriti sa botho). Melao e ya motheo e a tle e kwalwe, le fa e se ka dinako tsotlhe mo molaotheong wa naga.

Kgololesego Ya Motho Ka Bongwe

Go matshwanedi go ya ka ba ba sosologileng gore motho ka bongwe le ene a nne le dithata le maikarabelo a gagwe. Motho mongwe le mongwe o botlhokwa. Ba ba sosologileng ba dumela gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itseela ditshwetso mme a se ke a bolelelwa gore a direng ka dinako tsotlhe. Ba tshwanetse go itlhophela go tshela botshelo jo bo ratang ke bona mme ba sa lebale gore fa ba dira jalo ga ba gatake ditshwanelo tsa batho ba bangwe. Ka mafoko a mangwe , tshwanelo ya gago ya go akga matsogo e felela fa o simolola go itaya ba ba gaufi le wena.

Tumelo e ya kgololesego ya motho ka bongwe ke motheo wa tsotlhe tse go setseng go builwe ka tsona. Go feta foo, Kgololesego e akaretsa go itshokela megopolo e e farologaneng, mme se se boima le go feta, le go amogela megopolo e e farologanang le ya gago. Mokwadi mongwe yo o tumileng o kile a re, “ Ga ke dumelane le se o se buang, fela se ke tla se sireletsang go isa losong ke tshwanelo ya gago ya go bua.”

Thuo Ya Motho Le Kgololesego

Ba ba sosologileng ba tsaya kgololesego ya motho ka bongwe le dithata tsa motho ka bongwe go di tsenya le mo tikologong ya ekonomi. Go bua boamaruri, go ya ka hisitori, lereo la thuo ya motho, ke lona motheo wa  kgololesego ya  motho ka bongwe le dithata tsa motho ka bongwe. Sa ntlha go na le kutlwano ya gore batho ba ka nne ba rua sengwe. Fa re leba modi wa kakanyo e ke gore sa ntlha motho o ithuile, ka jalo ga a kitla a ruiwa ke motho osele, se se raya gore ga go motho yo o ka nnang lekgoba la yo mongwe. 

Motho yo o kgololesegileng yo, a ka rua phatlho nngwe: jaaka diaparo,dibuka, fenetshara, lefatshe, dintlo, dikoloi le megopolo, se se ka bitswang phatlho ya tlhaloganyo.

Sa bobedi ke gore, beng ba phatlho ba tshwanetse go kgona go kopana ka khutso mme ba kgone go rekisa phatlho ya bona le go reka phatlho ya batho ba bangwe ka kgololesego.Ba  ba sosologileng ba dumela gore mmuso ga o a tshwanela go kgoreletsa ope go dira kgwebo e e lokologileng. Se se tsamaelana le tumelo e e leng teng ya gore mongwe le mongwe o na le tetla ya mo tiragatsong ya ekonomi e e lokologileng- mmuso ga o a tshwanela go laola gore ke tsaya tiro e e ntseng jang, gore ke ithutela eng le gore ke simolole kgwebo kgotsa ke e tswalele. Ke tshwanetse go nna le tshono ya go dira se ke bonang nka kgona go se dira botoka. 

Ba ba sosologileng ba na le go botsa potso ya gore motho o gololesegile go fitlha kae, fa e le gore a ka se kgone go itseela tshwetso ka bobona. Se se nyalana sentle le ntlha ya kgololesego ya motho ka bongwe, ka gonne go batlega kananyo e e lokologileng ya dikakanyo le megopolo.

Sa boraro, ba ba sosologileng ba belaela fa e le gore mmuso o tshwanetse go amega mo ntlheng e: dikhamphane tse e leng tsa mmuso tse di neelang ka ditirelo tse di jaaka difofane, diterene, metsi le motlakase di na le ditshenyegelo di le dintsi mme lekgetho le le duelwang ke batho le dirisiwa go di tsweletsa pele. Le gone,dikhamphane tse e leng tsa mmuso ditlhwatlhwa tsa tsona di kwa godimo go feta le tsa poraefete, tse di tshwanetseng go phadisana le mmuso go iponela kgwebo le bareki. 

Go setse go itemogetswe gore batho lefatshe ka bophara ba dumalana le kakanyo e e sosologileng ya gore fa goleng phadisano teng go tla nna le tirelo ya maemo a a kwa godimo le ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ( go tloga fa dikgwebo di se na go rekisetswa poraevete mme go nna le phadisano , kwa USA megala yotlhe ya selegae ga e duelelwe)

Sa bone, ba ba sosologileng ba a amogela gore mmaraka wa dithekiso ga o neye batho botseno jo bo lekanang. Ka gonne ba ba sosologileng ba dumela mo go oketseng ditshono tse di lekanang go botlhe, ga ba bone go tlhokagala gore ba khutlise mmaraka; maikaelelo a bona ke go kgontsha batho gore ba nne karolo ya mmaraka le gore ba ungwe sengwe go tswa mo go ona. 

Ba batla go tsupuetsa melao e e diang batho le dikgoreletsi tse batho ba kgatlhanang natso, ba batla go naya batho menyetla e e  botoka ya go iponela thuto le katiso ya maemo a kwa godimo le go dira gore batho ba fiwa tshedimosetso ka botlalo gore ba kgone go tsaya karolo mo mmarakeng wa naga.

Demokerasi E E Sosologileng

Go leba nnete matlhong, demokerasi ga se nngwe ya ditlhokwa tsa motheo, fela sa botlhokwa ke gore motheo wa kgololesego o kgona fela go diragadiwa mo nageng e e leng gore dipolotiki tsa yona di tsamaisiwa ka mokgwa wa demokerasi. Go sosobanya ntlha e go ka twe: ba ba sosologileng ba dumela gore ke demokerasi e e sosologileng, e seng demokerasi ya lekoko le le lengwe, e seng demokerasi ya batho e e batlegang. 

Ga go a lekana gore go ya ka demokerasi e e sosologileng go tshwarwe ditlhopho nako le nako, fa e le gore go na le lekoko le le lengwe fela le go tlhophiwang mo go lona, kgotsa fa e le gore bontsi bo tlhopha lekoko ba le tsenya mo pusong ka gonne le le ba solofetsang gore le tla bolaya maloko a makoko a mangwe  kgotsa fa e le gore baagi botlhe ba ba nang le kwa godimo ga dingwaga tse di rileng ba dumelelwa go tlhopha. 

Demokerasi e e sosologileng e lopa gore go nne le ditlhopho tse di lokologileng tseo di tshwarwang nako le nako mme mo go tsona baagi botlhe ( ba dingwaga di le 18 le go feta ) ba dumelelwang go tlhopha- fela go feta foo, go a tlhokega gore batho botlhe ba tlotle thito ya motheo wa kgololesego jaaka e tlhalosiwa jaana: boineelo mo motheong wa ditshwanelo tsa botho,go lekana ga batho, taolwana ya molao, kgololesego ya motho ka bongwe le thuo ya motho le mmaraka o o lokologileng.

Ntlha e nngwe ya botlhokwa ya demokerasi e e sosologileng ke e e bidiwang karogantsho ya dithata tsa puso. Se se raya gore go na le lekgotla la kokoanopeomolao le le dirang melao( palamente ), go na gape lekgotla la phetiso le le phatlhalatsang melao le go dira gore baagi ba itse ka ga yona ( mmuso ) mme lekgotla la bofelo ke la boipiletso le le tlhokomelang gore melao e a diragadiwa, (dikgotlatshekelo) le go atlhola dikgotlhang le dingangisano tse di ka tlholang ke melao e e tlhamilweng e. 

Ba ba sosologileng ba dumela gore dithata tse ga di a tshwanela go nna ka fa tlase ga lekgotla le le lengwe, ka gonne se se tlisa tshenyego sa bo sa dira gore dithata di dirisiwe ka mo go sa tshwanelang. Ka go kgaogantsha dithata tse, makgotla otlhe a ( peomolao, phetiso le la boipiletso) a tlisa tekatekanyo e e tshwanetseng.

Go santse go na le ditlhokwa dingwe tsa ba ba sosologileng tse di leng botlhokwa thata. Go ya ka setso sa ba ba sosologileng bopelonomi ke setlhokwa sa tshosologo. Bontsi jwa bona bo dumela gore setlhokwa se le tse dingwe di itlisa fela ka gonne go na le tumelo mo ditshwanelong tsa motheo tsa botho le kgololesego ya motho ka boena.

Ba ba sosologileng, ba ga ba tseye kgololesego e le bosaense, jaaka makgotla a a farologaneng a dipolotiki a dumela, e bile maikaelelo a bona ga se go supa ka moo ba thulaganyo ya bona e tlhwekileng ka teng. Kgololesego ke thulaganyo e e fetogang le metlha, e e kgonang go dirisiwa mme e bile e ka tlisa tharabololo ya mathata a re kgatlhanang nao gompieno. 

Demokerasi e e sosologileng ke seitshireletso sa botlhokwa kgatlhanong le tiriso e e botlhaswa ya dithata le tshenyego e e tsamayang nayo.

<<Back

-INDEX- -About us- -Country Offices- -News Archive- -Media- -Books-

 -Liberal Partners- -Liberal Thinkers- -Specials- -Contact-

Copyright © 2004 Friedrich Naumann Foundation Africa
These articles may be republished without prior consent but with acknowledgement.

The Friedrich Naumann Foundation can not be held  responsible for the content found on external links